{"product_id":"modisa-setswana","title":"Modisa (Setswana)","description":"\u003cmeta charset=\"utf-8\"\u003e\u003cmeta charset=\"utf-8\"\u003e\n\u003cul\u003e\n\u003cli\u003e\n\u003cp\u003eMalusi ke modisa yo o tlhokomelang dinku le dipodi  tsa rraagwemogolo mo dithabeng tsa Transkei. Manong a fofa kwa godimo fa ditshenekegi tsona di gagaba mo fatshe, ditshoswane di a tlatlarietsa le lerole le a kupa jaaka Malusi a tshameka ntwa ya dithobane le tsala ya gagwe. Fela go na le kotsi gape… A Malusi a ka pholosa dikwana tsa gagwe go tswa go tshwene e e tshwerweng ke tlala e e setseng diruiwa morago? Gona monnamogolo yo o mo teng ga koloi e e phatsimang ke mang o o emang go tsaya dikgang le go rotloetsa modisa go tsweletsa toro ya gagwe ya go nna moporesidente pele?\u003c\/p\u003e\n\u003cp\u003eBuka e ntle eno ya ditshwantsho e ka ga mosimane yo o neng a lora ka bokamoso jo bo phatsimang. Ke kgang ya ga matlafatso, boitshepo le boetapele mme e tlhotlheleditswe ke botshelo jwa moporesidente Nelson Mandela.\u003c\/p\u003e\n\u003cp\u003eLerato la\u003cspan\u003e \u003c\/span\u003e\u003cstrong\u003eNiki Daly\u003c\/strong\u003e\u003cspan\u003e \u003c\/span\u003ela bana le tlhagiswa ka botlalo mo dibukeng tseo a ba kwalelang bona. Mo dingwageng di le 33 tse di fetileng o gapile diabo tse di farologaneng mo gae le kwa dinageng tsa kwa ntle ka ntlha ya mekwalo ya gagwe ya moopelo le ditshwantsho tse di tlhaga.\u003c\/p\u003e\n\u003cp\u003eBuka ya gagwe ya 1986,\u003cspan\u003e \u003c\/span\u003e\u003cem\u003eNot So Fast Songololo\u003c\/em\u003e, e e fentseng The Katrine Harries Award mmogo le U.S Parents’ Choice Award, e betlile tsela ya dibuka tsa bana tsa mo nakong ya morago ga kgethololo. Magareng ga dibuka tse dintsi tsa gagwe,\u003cspan\u003e \u003c\/span\u003e\u003cem\u003eOnce Upon a Time\u003c\/em\u003e\u003cspan\u003e \u003c\/span\u003ee nnile Mofenyi wa Tlotla wa US Children’s Africana Book Awards tsa 2004.\u003cspan\u003e \u003c\/span\u003e\u003cem\u003eJamela’s Dress\u003c\/em\u003e\u003cspan\u003e \u003c\/span\u003ee kgethilwe ke ALA jaaka Buka ya Bana e e Gaisang, ke Booklist jaaka nngwe ya Dibuka tse di Lesome tsa Maemo a Godimo tsa Ditshwantsho tsa Maamerika tsa 200 mme gape ya fenya Children’s Literature Choice Award,  Parents’ Choice Silver Award mmogo le Peter Pan Silver Award kwa Sweden. Ka 2009 Niki o ne a abelwa Metale wa Gauta Wa Molteno ka botsayakarolo jwa gagwe mabapi le dibuka tsa Bana tsa Aforikaborwa.\u003c\/p\u003e\n\u003cp\u003eO nna le mosadi wa gagwe, mothaladitshwantsho Jude Daly, mo torotswaneng ya Kleinhond, e e gaufi le lewatle mo Aforikaborwa.\u003c\/p\u003e\n\u003cbr\u003e\n\u003c\/li\u003e\n\u003c\/ul\u003e","brand":"Booksite Afrika","offers":[{"title":"Default Title","offer_id":39308211716181,"sku":"9781431406524","price":130.0,"currency_code":"INR","in_stock":true}],"thumbnail_url":"\/\/cdn.shopify.com\/s\/files\/1\/0105\/0053\/8453\/products\/download-2_5cde196b-7015-49d9-98ac-30cd5021eaab.jpg?v=1617197871","url":"https:\/\/vikas-test.myshopify.com\/products\/modisa-setswana","provider":"Vikas Test","version":"1.0","type":"link"}